LEFAPHA LA BOSIAMISI LE TLHABOLOLO YA MOLAOTHEO
DITHEO TSE ROBEDI TSA THEBOLO YA TIRELO YA ''BATHO PELE''
Rona mo lefapheng re itlamile go diragatsa melao e e latelang ya ''Batho Pele'' kwa ntle le go okaoka. Re tlile go oketsa tsenyotirisong gor re tle re kgone go fitlhelela dikgato tse di kwa godingwana tse di amogelegang tsa tirelo le boleng.
DITHERISANO
Baagi ba tshwanetse go rerisiwa mabapi le maemo le boleng jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba di amogelang,e bile fa go tlhokagala, ba neelwe sebaka sa go ka itlhophela ditirelo tse ba di neelwang.
O tshwanetse go netefatsa gore ditherisano di diriwa gangwe le gape le gore di diriwa ka thulaganyo go kgontsha Kantoro ya gago go tlhokomela ditlhokego tsa badirelwa ba gago.
MAEMO A DITIRELO
Baagi ba tshwanetse go itsisewe ka ga maemo le boleng jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba tlileng go di amogela gore ba tle ba itse se ba tshwanetseng go se solofela.
O na le maikarabelo otlhe kwa palamenteng go ka tsenya tirisong pholisi ya Puso,ka jalo o tshwanetse go netefatsa gore ditirelo di rebolwa ka maemo a a amogelegang kwa badirelweng.
PHITLHELELO
Baagi botlhe ba tshwanetse go fitlhelela ditirelo tse di ba tshwanetseng ka go lekana.
O tshwanetse go tota mmogo le go kaya dintlha tse o ikaelelang go di fitlhelela go kgontsha batho ba ka nako e e fetileng ba neng ba sa kgone go ka fitlhelela ditirelo jaaka Digole, go ka di fitlhelela. O tshwanetse go netefatsa gore maparego otlhe a a kgoreletsang go ka fitlhelela ditirelo a a tlosiwa.
TLOTLO
Baagi ba tshwanetse go tsholwa ka tlotlo le tlhokomelo.
O tshwanetse go netefatsa gore melawana ya maitsholo ya mo Lefafapheng e akaretsa maemo a badirelwa ba tshwanetseng go tsholwa ka ona.
TSHEDIMOSETSO
Baagi ba tshwanetse go neelwa tshedimosetso e e nepagetseng e e feleletseng mabapi le ditirelo tsa setšhaba tse ba tshwanetseng go di amogela.
Tshedimosetso ke nngwe ya didirisiwa tse di maatla tse modirelwa a ka di dirisang
Fa a batla go bona tirelo e ntle. Dikantoro di tshwanetse go neela tshedimosetso e e nepagetseng e e feleletseng e bile e le e e siameng mabapi le direlo tse di di neelang.
PHUTHOLOGO LE BOSENGBOFITLHA
Baagi ba tshwanetse go itsisewe tsela e Dikantoro tsa Bosetšhaba mmogo le tsa Dikgaolo di tsamaisiwang ka yona le gore di ja bokae mmogo le gore baeteledipele ba tsona ke bo mang.
Badirelwa ba kwa ntle mmogo le ba ka fa gare ba tshwanetse go fitlhelela mofuta o wa tshedimosetso. Tsamaiso e tshwanetse go tshwana le buka e e butsweng. O tshwanetse go neela tshedimosetso e e ka ga go dira tiro ga gago go ya ka maemo a a beilweng a thebolo ya tirelo e e tokafetseng,a dipoloko tsa madi mmogo le e e ka ga bokgoni jwa maemo a a kwa godimo. Dintlha tse di ka ga badirimmogo mmogo le tse di amang batlhankedi ba maemo a a kwa godimo, ga di a tshwanelwa go fitlhiwa.
GO SIAMISA
Fa maemo a a tshepisitsweng a ditirelo a sa rebolwe, baagi ba tshwanetswe go ikopelwa boitshwarelo, gape ba tshwanetswe go neelwa tlhaloso e e tletseng mmogo le tshiamiso e e bonako e bile e na le maatla,mme fa dingongorego di diriwa, baagi ba tshwanetse go bona karabo ya nnete ya kutlwelobotlhoko.
Bokgoni mmogo le maikaelelo a go ka dira sengwe fa dilo di sa tsamae sentle ke selo se se botlhokwa sa tsela ya go baya maemo sentle. O tshwanetse go rotloetsa mowa wa go araba mo kantorong ya gago.
BOLENG JWA MADI
Ditirelo tsa setšhaba di tshwanetswe go neelwa ka tshomarelo le ka botswerere gore baagi ba tle ba bone boleng jwa madi a bona.
O kopiwa go kaya mafelo a kwa go ona dipolokelo tsa botswerere di tla tlhokegang mmogo le ditokafatso tsa thebolo ya ditirelo tse di tla tlhagelelang mo go boneng dipolokelo. Madi a gago a tshwanetswe go dirisiwa sentle.
Theo e e kaelang ya tirelo ya setšhaba mo Lefapheng, e tlile go nna ya go direla batho.
Go tokafatsa thebolo ya ditirelo, ke maikaelelo a a botlhokwa a Lefapha.
